1
DIPESALEME 119:105
Setswana 1970
Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.
Compare
Explore DIPESALEME 119:105
2
DIPESALEME 119:11
Ke bolokile Lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.
Explore DIPESALEME 119:11
3
DIPESALEME 119:9
Lekau le ka boloka bophepa jwa tsela ya lone jang? Ka go e lebanya le Lefoko la gago.
Explore DIPESALEME 119:9
4
DIPESALEME 119:2
Go sego ba ba tlhokomelang ditshupo tsa gagwe, ba ba mmatlang ka pelo yotlhe
Explore DIPESALEME 119:2
5
DIPESALEME 119:114
O tshireletso ya me le thebe ya me; ke lebeletse Lefoko la gago.
Explore DIPESALEME 119:114
6
DIPESALEME 119:34
Nnaya tlhaloganyo, ke tle ke boloke molao wa gago, ke o tlhokomele ka pelo yotlhe.
Explore DIPESALEME 119:34
7
DIPESALEME 119:36
Sekegela pelo ya me kwa ditshupong tsa gago, mme e seng kwa boikhumisong.
Explore DIPESALEME 119:36
8
DIPESALEME 119:71
Go ne go le molemo mo go nna go kokobediwa gore ke ithute melao ya gago.
Explore DIPESALEME 119:71
9
DIPESALEME 119:50
Ke yona kgomotso ya me mo pogisegong ya me, fa tsholofetso ya gago e mphedisa.
Explore DIPESALEME 119:50
10
DIPESALEME 119:35
Ntsamaise mo tseleng ya ditaelo tsa gago; gonne e a nkgatlha.
Explore DIPESALEME 119:35
11
DIPESALEME 119:33
MORENA, nthute tsela ya melao ya gago, mme ke tla e tseela ruri go ya bokhutlong.
Explore DIPESALEME 119:33
12
DIPESALEME 119:28
Mowa wa me o ntsha dikeledi ka ntlha ya bohutsana, nnamolola ka fa Lefokong la gago.
Explore DIPESALEME 119:28
13
DIPESALEME 119:97
Molao wa gago ke o rata thata jang! Ke o akanya letsatsi lotlhe.
Explore DIPESALEME 119:97
Home
Bible
Plans
Videos