1
DIANE 29:25
Setswana 1970
Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang MORENA o tla femelwa.
Compare
Explore DIANE 29:25
2
DIANE 29:18
Fa go se na pono ya moporofeti, batho ba itaola fela, mme go sego yo o tshegetsang molao.
Explore DIANE 29:18
3
DIANE 29:11
Lesilo le ntsha bogale jotlhe jwa lone, mme letlhale le bo kokobetse morago.
Explore DIANE 29:11
4
DIANE 29:15
Thupa le kgalemelo di a tlhalefisa; mme mosimane yo o itaolang o tlhabisa mmaagwe ditlhong.
Explore DIANE 29:15
5
DIANE 29:17
Otla ngwana wa gago, mme o tla go ikhutsisa, a go thabisa pelo.
Explore DIANE 29:17
6
DIANE 29:23
Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo.
Explore DIANE 29:23
7
DIANE 29:22
Monna yo o bogale o losa batho; yo o pelo-khutshwane o leofa gantsi.
Explore DIANE 29:22
8
DIANE 29:20
Fa o bona monna yo o bonako mo puong ya gagwe, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.
Explore DIANE 29:20
Home
Bible
Plans
Videos