1
DIANE 19:21
Setswana 1970
Pelo ya motho e loga maano a mantsi; mme maikaelelo a MORENA ke ona a a tla dirafalang.
Compare
Explore DIANE 19:21
2
DIANE 19:17
Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adima MORENA; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe.
Explore DIANE 19:17
3
DIANE 19:11
Botlhale jwa motho bo mo dira pelotelele; ke tlotlo ya gagwe, fa a itshwarela maleo.
Explore DIANE 19:11
4
DIANE 19:20
Utlwa kgakololo o amogele kgalemelo gore o tle o nne yo o tlhalefileng mo metlheng e e tlang.
Explore DIANE 19:20
5
DIANE 19:23
Go boifa MORENA go isa bophelong; motho yo o ntseng jalo o tla kgora, a lala a sa tlelwe ke bosula bope.
Explore DIANE 19:23
6
DIANE 19:8
Yo o ithutang o rata bophelo jwa gagwe; yo o bolokang kelelelo o tla bona tse di molemo.
Explore DIANE 19:8
7
DIANE 19:18
Otla morwao, tsholofelo ya tlhabologo e ntse e le teng, mme o se ka wa mo neela mo go bolaweng.
Explore DIANE 19:18
8
DIANE 19:9
Mosupi wa maaka ga a nke a tlhoka petso; yo o buang tse e seng tsona o tla latlhega.
Explore DIANE 19:9
Home
Bible
Plans
Videos