1
MATHEO 27:46
Setswana 1970
Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro thapama, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabagathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?”
Compare
Explore MATHEO 27:46
2
MATHEO 27:51-52
Foo lesire la Tempele la gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; lefatshe la roroma, mafika a fatoga; diphupu tsa bulega, mebele e mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa
Explore MATHEO 27:51-52
3
MATHEO 27:50
Mme Jesu a goa gape ka lentswe le legolo, a ba a ntsha mowa.
Explore MATHEO 27:50
4
MATHEO 27:54
Mme molaodi-wa-lekgolo le ba ba lebeletseng Jesu nae, ya re ba bona thoromo ya lefatshe le tse di dirafalang, ba boifa thata ba re: “Ammaaruri, yo e ne e le Morwa Modimo.”
Explore MATHEO 27:54
5
MATHEO 27:45
Go tloga ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro ya thapama.
Explore MATHEO 27:45
6
MATHEO 27:22-23
Pilato a ba a ba botsa a re: “Mme jaanong ke tla dirang ka Jesu yo o bidiwang Keresete?” Botlhe ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!” Ene a re: “Kana o dirile bosula bofe?” Mme ba goa thata thata ba re: “A a bapolelwe sefapaanong!”
Explore MATHEO 27:22-23
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos