1
MATHEO 19:26
Setswana 1970
Jesu a ba leba, a ba raya a re: “Seo mo bathong se padile; mme mo Modimong tsotlhe di ka dirafala.”
Compare
Explore MATHEO 19:26
2
MATHEO 19:6
Ka moo, ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe fela. Jaanong se Modimo o se kopantseng, a motho a se se kgaoganye.”
Explore MATHEO 19:6
3
MATHEO 19:4-5
A araba a re: “A ga lo a buisa gore Mmopi o ba dirile monna le mosadi mo tshimologong? A ba a re: ‘Ke ka ntlha ya moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe, a ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela?’
Explore MATHEO 19:4-5
4
MATHEO 19:14
Jesu a re: “Lesang bana, lo se ba iletse go tla go nna; gonne puso ya magodimo ke ya ba ba ntseng jalo.”
Explore MATHEO 19:14
5
MATHEO 19:30
Mme ba bantsi ba pele e tla nna ba morago, le ba morago e nne ba pele.
Explore MATHEO 19:30
6
MATHEO 19:29
Le mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo gongwe bomorwa-rraagwe gongwe bokgaitsadie gongwe rraagwe gongwe mmaagwe gongwe bana gongwe masimo ka ntlha ya leina la me, o tla amogela bontsi jo bo fetang tseo, a ba a ja boswa jwa bophelo jo bo sa khutleng.
Explore MATHEO 19:29
7
MATHEO 19:21
Jesu a mo araba a re: “Fa o rata go nna yo o tletseng, yaa o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong; o be o tle, o ntshale morago!”
Explore MATHEO 19:21
8
MATHEO 19:17
A mo araba a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Yo o molemo ke a le mongwe fela; mme fa o rata go tsena mo bophelong, tshegetsa ditaolo.”
Explore MATHEO 19:17
9
MATHEO 19:24
Gape, ke lo raya ke re: Go botlhofo go kammele go tsena ka letshoba la lomao bogolo go mohumi go tsena mo pusong ya Modimo.”
Explore MATHEO 19:24
10
MATHEO 19:9
Mme nna ke lo raya ke re: Motho yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, a ba a nyala o sele, o senya kgolagano ya nyalo; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o senya kgolagano ya nyalo.”
Explore MATHEO 19:9
11
MATHEO 19:23
Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Mohumi o tla tsena mo pusong ya magodimo ka bothata.
Explore MATHEO 19:23
Home
Bible
Plans
Videos