1
JESAYA 6:8
Setswana 1970
Ka ba ka utlwa lentswe la Morena le re: “Ke tla roma mang? Ke mang yo o tla re elang?” Ka re: “Ke fano, nthome!”
Compare
Explore JESAYA 6:8
2
JESAYA 6:3
Ba bitsanya ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo MORENA wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”
Explore JESAYA 6:3
3
JESAYA 6:5
Foo ka bua ka re: “A tatlhego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, MORENA wa masomosomo; ke a nyelela, ka ke le motho wa molomo o o maswe; ke bile ke agile mo gare ga morafe o o melomo e maswe.”
Explore JESAYA 6:5
4
JESAYA 6:1
E rile ngwageng o kgosi Usia o suleng ka ona, ka bona Morena, a ntse mo sedulong sa bogosi se segolo se se kwa godimo, mme meja ya kobo ya gagwe ya tlala ka Tempele.
Explore JESAYA 6:1
5
JESAYA 6:7
a le amisa molomo wa me a re: “Bona, legala le, le amile molomo wa gago; jaanong molato wa gago o tlogile, boleo jwa gago bo itshwaretswe.”
Explore JESAYA 6:7
6
JESAYA 6:2
BoSerafime ba bo ba eme godimo ga gagwe, mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; a ipipa sefatlhego ka tse pedi; a ipipa maoto ka tse pedi; a fofa ka tse pedi.
Explore JESAYA 6:2
7
JESAYA 6:6
Ke fa mongwe wa boSerafime a fofela kwa go nna, a tshotse legala la molelo ka seatla, a le ogotse mo aletareng ka letlao
Explore JESAYA 6:6
8
JESAYA 6:9
A ba a re: “Yaa o ree morafe o o re: ‘Go utlwa lo tla utlwa, mme ga lo kitla lo tlhaloganya! Go bona lo tla bona, mme ga lo kitla lo lemoga!’
Explore JESAYA 6:9
9
JESAYA 6:10
Thatafatsa dipelo tsa morafe o, o thibe ditsebe tsa ona, o foufatse matlho a ona gore o se bone ka matlho, o se ka wa utlwa ka ditsebe, mme dipelo tsa ona di se ka tsa lemoga, gore o se ka wa tlhabologa, wa fodisiwa.”
Explore JESAYA 6:10
Home
Bible
Plans
Videos