1
GENESI 35:11-12
Setswana 1970
Modimo wa ba wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. “Ata o ntsifale! Go tla tswa setšhaba le bontsi jwa ditšhaba mo go wena. Le dikgosi di tla tswa mo go wena. Le lefatshe le ke le neileng Aborahame le Isaka ke tla le go naya. Lefatshe leo ke tla le naya losika lwa gago sehularong sa gago.”
Compare
Explore GENESI 35:11-12
2
GENESI 35:3
A re nanogeng, re hudugele kwa Bethele gore ke dire aletare teng ya Modimo o o nkutlwileng ka letsatsi la tlalelo ya me, wa ba wa nna le nna mo tseleng e ke tsamaileng ka yona.”
Explore GENESI 35:3
3
GENESI 35:10
Modimo wa mo raya wa re: “Leina la gago ke Jakobe, mme ga o ne o tlhola o bidiwa Jakobe, mme leina la gago e tla nna Iseraele.” Wa mo taya leina la Iseraele jalo.
Explore GENESI 35:10
4
GENESI 35:2
Ke fa Jakobe a raya ba lapa la gagwe le botlhe ba ba nang nae a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo tlhape, lo apare diaparo di sele.
Explore GENESI 35:2
5
GENESI 35:1
Morago ga moo Modimo wa raya Jakobe wa re: “Nanoga o hudugele kwa Bethele, o nne teng, o dire aletare teng ya Modimo o o kileng wa iponatsa mo go wena, fa o tshaba Esau mogoloo.”
Explore GENESI 35:1
6
GENESI 35:18
Jaanong ya re mowa wa gagwe o tswa, ka a ne a swa, a mo taya leina la Benoni, mme rraagwe a mmitsa Benyamene.
Explore GENESI 35:18
Home
Bible
Plans
Videos