1
MORERI 8:15
Setswana 1970
Ka ba ka boka boitumelo. Gonne motho ga a na tse di molemo dipe fa tlase ga letsatsi fa e se go ja le go nwa le go itumela. Tsona tseo a di mo lapolose mo tapisegong ya gagwe ka malatsi a bophelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng fa tlase ga letsatsi.
Compare
Explore MORERI 8:15
2
MORERI 8:12
Motho o a tle a leofe, a dire bosula ga lekgolo, a ba a phele sebaka se seleele – fela nna ke itse gore ba ba boifang Modimo, ba ba tshabang sefatlhego sa ona ke bone ba ba tla phelang sentle.
Explore MORERI 8:12
3
MORERI 8:6
Gonne selo sengwe le sengwe se na le sebaka sa sona le molao wa sona; gonne bosula jwa motho bo mo imela thata.
Explore MORERI 8:6
4
MORERI 8:8
Ga go na motho yo o nang le thata mo phefong go ka e thibela; ga go na yo o laolang letsatsi la loso; ga go na go ya gae mo nakong ya ntwa. Boikepo ga bo ka ke jwa pholosa mong wa jona.
Explore MORERI 8:8
5
MORERI 8:11
E a re ka kotlo e e atlholetsweng tiro e e bosula e sa dirafale ka pele, ka moo dipelo tsa batho di tlale maikaelelo a go dira bosula.
Explore MORERI 8:11
6
MORERI 8:14
Go na le boithamako jo bongwe jo bo dirafalang mo lefatsheng: Kana go na le basiami ba ba dirafalelwang ke tse di tshwanetseng ditiro tsa baikepi; le gona go na le baikepi ba ba dirafalelwang ke tse di tshwanetseng ditiro tsa basiami. Ka re, le tseo di a mpalela.
Explore MORERI 8:14
7
MORERI 8:7
Gonne motho ga a itse se se tla dirafalang. Mme ke mang yo o ka mo itsiseng gore se tla nna jang?
Explore MORERI 8:7
Home
Bible
Plans
Videos