1
MORERI 5:2
Setswana 1970
Ikakanye o ise o bue; a pelo ya gago e se ka ya itlhaganela go ntsha lefoko fa pele ga Modimo. Gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng. Ke gona he, a mafoko a gago a se nne mantsi.
Compare
Explore MORERI 5:2
2
MORERI 5:19
Le gona ke neo ya Modimo mo mothong mongwe le mongwe, fa Modimo o mo naya khumo le matlotlo, o bo o mo dumelela go di ja le go tsaya kabelo ya gagwe le go itumelela tse a di itapisetsang.
Explore MORERI 5:19
3
MORERI 5:10
Yo o ratang selefera ga a nke a kgora selefera, yo o ratang letlotlo o tla galala tse a di bonang. Le selo se ke boithamako fela.
Explore MORERI 5:10
4
MORERI 5:1
Disa dinao tsa gago, fa o ya kwa Ntlong ya Modimo! Kana go atamela go reetsa go phala ditlhabelo tsa masilo. Gonne ga a itse sepe fa e se go dira bosula fela.
Explore MORERI 5:1
5
MORERI 5:4
Fa o ikanela Modimo maikano, se diege go a dirafatsa; gonne Modimo ga o kgatlhwe ke masilo. Dira se o se ikanetseng.
Explore MORERI 5:4
6
MORERI 5:5
Yo o sa ipofeng ka maikano o phala yo o ipofang ka maikano, mme a sa a dirafatse.
Explore MORERI 5:5
7
MORERI 5:12
Boroko jwa modiri bo monate, le fa a ja tse dipotlana gongwe tse dintsi, mme letlotlo la mohumi le a mo tlhobaetsa.
Explore MORERI 5:12
8
MORERI 5:15
Motho o dule mo mmeleng wa ga mmaagwe a sa ikatega, e bile o tla tloga jaaka a tlile. Ga a nke a tsaya sepe sa tse o di itiretseng ka matsapa, se a ka tsamayang ka sona.
Explore MORERI 5:15
Home
Bible
Plans
Videos