1
MORERI 11:9
Setswana 1970
Wena lekau, itumele mo bokaung jwa gago! A pelo ya gago e go jese monate mo malatsing a bokau jwa gago. Phela ka fa pelo ya gago e ratang ka teng le ka fa matlho a gago a bonang ka teng. Fela itse gore Modimo o tla go isa mo tshekong ka ntlha ya tsotlhe tseo.
Compare
Explore MORERI 11:9
2
MORERI 11:10
Tlosa tshwenyego mo pelong ya gago, o fapose botlhoko mo mmeleng wa gago. Gonne bokau le bošwa di fela ka pele.
Explore MORERI 11:10
3
MORERI 11:4
Yo o elang phefo tlhoko ga a nke a jwala; yo o lebileng maru ga a nke a roba.
Explore MORERI 11:4
4
MORERI 11:5
Ga o itse tiro ya Modimo o o dirang dilo tsotlhe, fela jaaka o sa itse tsela ya phefo le ka fa marapo a bopegang ka teng mo mmeleng wa yo moimana.
Explore MORERI 11:5
5
MORERI 11:6
Jwala peo ya gago mo mosong; se ikhutsise diatla tsa gago maitsiboa; gonne ga o itse gore go tla mela efe, a ena gongwe ele, kampo a di tla siama mmogo ka bobedi jwa tsona.
Explore MORERI 11:6
6
MORERI 11:2
Di kgaoganye ka ba supa gongwe ka ba ba robedi. Gonne ga o itse gore lefatshe le tla welwa ke kotsi e e ntseng jang.
Explore MORERI 11:2
Home
Bible
Plans
Videos