1
2 DIKGOSI 2:9
Setswana 1970
Ya re ba sena go tshela, Elia a raya Elisa a re: “Kopa se nka se go direlang ke ise ke tlosiwe fa go wena.” Elisa a re: “Ka thapelo, a go nne dikabelo di le pedi tsa mowa wa gago mo go nna.”
Compare
Explore 2 DIKGOSI 2:9
2
2 DIKGOSI 2:11
Mme ya re ba ntse ba tsamaya, ba bua mmogo, ga tlhaga koloi ya molelo le dipitse tsa molelo ka tshoganyetso, tsa ba kgaoganya. Mme Elia a tlhatlosediwa kwa legodimong ka ledimo
Explore 2 DIKGOSI 2:11
3
2 DIKGOSI 2:10
A araba a re: “O kopile se se thata. Mme fa o ka mpona ke tlosiwa fa go wena, go tla go dirafalela jalo. Fela fa go sa nna jalo, ga go ne go dirafala.”
Explore 2 DIKGOSI 2:10
4
2 DIKGOSI 2:14
A ba a tsaya kobo ya ga Elia e e oleng mo go ene, a itaya metsi a re: “O kae MORENA, Modimo wa ga Elia?” Mme le ene ya re a itaya metsi, a kgaogana, a ntsha phatlha, mme Elisa a tshela.
Explore 2 DIKGOSI 2:14
5
2 DIKGOSI 2:12
Elisa a ntse a bona a goa a re: “Rra wee, rra wee! Koloi ya Iseraele le bapalami ba yona!” Mme a se ka a tlhola a mmona. A ba a tshwara diaparo tsa gagwe a di gagoganya dikarolo di le pedi.
Explore 2 DIKGOSI 2:12
6
2 DIKGOSI 2:8
Mme Elia a tsaya kobo ya gagwe, a e tshopha, a itaya metsi ka yona. Ke fa metsi a kgaogana a ntsha phatlha, mme ba tshela ka bobedi fa go omileng.
Explore 2 DIKGOSI 2:8
7
2 DIKGOSI 2:1
E rile MORENA a rata go tlhatlosetsa Elia kwa legodimong ka ledimo Elia a tsamaya le Elisa, ba tswa kwa Gilegala.
Explore 2 DIKGOSI 2:1
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos