1
1 JOHANE 5:14
Setswana 1970
TSW70
Mme namatshego e re nang nayo mo go ona ke ya gore o a re utlwa, fa re kopa sengwe ka fa go rateng ga ona.
Compare
Explore 1 JOHANE 5:14
2
1 JOHANE 5:15
Mme fa re itse gore o a re utlwa, le fa re ka ne re kopa eng, foo re itse gore re setse re tshotse tse re di kopileng mo go ona.
Explore 1 JOHANE 5:15
3
1 JOHANE 5:3-4
Gonne lorato lwa go rata Modimo ke fa re tshegetsa ditaolo tsa ona, mme ditaolo tsa ona ga di thata. Gonne botlhe ba ba tsetsweng ke Modimo ba fenya lefatshe; mme tumelo ya rona ke yona phenyo e e fentseng lefatshe.
Explore 1 JOHANE 5:3-4
4
1 JOHANE 5:12
Yo o nang le Morwa o na le bophelo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na bophelo.
Explore 1 JOHANE 5:12
5
1 JOHANE 5:13
Dilo tseo ke di lo kwaletse gore lona ba lo dumelang mo leineng la Morwa Modimo, lo itse gore lo na le bophelo jo bo sa khutleng.
Explore 1 JOHANE 5:13
6
1 JOHANE 5:18
Re itse gore mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; yo Modimo o mo tsetseng o a mmoloka, mme yo-o-bosula ga a na go mo tshwara.
Explore 1 JOHANE 5:18