1
Ditiro 7:59-60
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.” Mme a wela fa fatshe ka mangole, a goa a re, “Morena o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jo!” Mme ka mafoko ao, a swa.
Compare
Explore Ditiro 7:59-60
2
Ditiro 7:48-49
Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone?
Explore Ditiro 7:48-49
3
Ditiro 7:57-58
Mme ba mo gagautlha, ba ikaba ditsebe, ba tima lentswe la gagwe ka go goa thata, mme ba mo gogela kwa ntle ga motse go ya go mo kgobotletsa ka matlapa. Basupi ba bagolo le babolai ba apola dibaki tsa bone ba di baya fa dinaong tsa lekawana lengwe le le bidiwang Saulo.
Explore Ditiro 7:57-58
Home
Bible
Plans
Videos